top of page

RAMATIKI

RAMATIKI KE ENG?

Ramatiki ke bolwetse jwa lelokololo (joints). Lelokololo ke mo marapo a mabedi a kopanang gone. Bolwetse bo botlwaelegile go swara bagolo ba dingwaga tse masomathatoro le tlhano (65) le go feta. Le fa gontse jwalo ba tsa gofatlhosa bare bolwetse jona bo ka tshwara mongwe le mongwe wa dingwaga dingwe le dingwe (bana le banna). Dintlha tsa marapo a mebedi di khurumeditswe ka thishu e borethe e e kgonang go taologa, e bidiwa lehihiri le le seng thata. Sena se thusa marapo gore a seke a kgwetlhana le go gotlhana. Gape lehihiri le thusa go monya kgatelelo, lesireletsa dintlha tsa marapo mme le dira gore marapo a kgone go amogela kgatelelo ya mmele ka go tshwana.

 

Rena le mefuta ya go fapana ya ramatiki:

  • Rheumatoid Arthritis(RA) – ke mofuta wa ramatiki e e baka go ruruga ga malokololo.

  • Osteoarthritis (OA) – ke mofuta wa ramatiki e e senyang mahihiri.

 

DIKAI TSA BOLWETSE JWA RAMATIKI

  • Go ruruga ga malokololo

  • Go utlwa botlhoko

  • Go gagamala ga mesifa

  • Go phela ka letsapa

 

Dikai tsena di tlhasela batho ka go farologana. Tsela e e bolwetse bo simologang ka yona le lobaka le o le tsayang ga e tshwane gotlhelele mo bathong.

KE BOMANG BAO BALENG KOTSING?

  • Ba losika: bao ba nang le ramatiki ya go ruruga.

  • Basadi: ba ba dingwageng tsa magareng

  • Bagolo: ge dingwaga di gola mahihiri a a seng thata a senyega

  • Boima jwa mmele: mahihiri a a seng thata ga a kgone go thusa marapo go itshokela boima jwa mmele

  • Malokololo a a kilego a gobala: ge o kile wa robega, mokento le go tshelwa madi.

  • Go goga motsoko: go goga motsoko gofitisa dingwaga tse tharo bolwetse bo ka gola motlhofo.

MATHATA A BOLWETSE JWA RAMATIKI

  • Mokgwa wa go ema o konegile

  • O sitwa ke go dira mediro ya letsatsi

  • Mmele o a gagamala wa se kgone go tsamaya.

  • Go robega ga marapo

  • Ka lebaka la mofuta o mongwe wa ramatiki o ka ba le bolwetse jwa pelo le jwa makgwafo.

 

TSELA YA KALAFI YA BOLWETSI JWA RAMATIKI

Mokgwa o o tloalegileng wa kalafi ke go nolofatsa botlhoko, go sireletsa malokololo go senyega thata le go fetola mokgwa wa moth wa go tshela.

Kalafi e ka akaretsa mefuta e mangata ya ditlhare le go ikatisa.

Dingaka ditlhlopa ditlhare go ya ka mofuta wa ramatiki jaaka:

  • Diokobatsi

  • Diokobatsi tsa ga fokotsa dithlabi le go ruruga

  • Diokobatsi tsa go fokotsa lebelo la go etelela ga bolwetse

  • Kalafi ya Corticosteroids

  • Dipilisi tse di gatelelang tsela ya masole a mmele

Tsela e nngwe ke gore o latele mokgwa o ngaka e rego o e latele.

Go ikatisa ke mokgwa o mongwe wa konokono go thusa marapo le monagano.

TSELA YA GO FETOLA BOTSHELO

  • Go ikatisa metsotso e masometharo ka letsatsi

  • Go fokotsa go nwa bojalwa

  • Go ja dijo tse phepa

  • Go tlogela go goga motsoko

  • Ge ona le bothata jwa go ikatisa goba diokobatsi di sa go thuse buwa le ngaka o tla go romela go dingaka tsa go ikatisa jaaka physiotherapy /occupational therapy.

Disclaimer


The contents of this website are for informational purposes only and do not constitute medical advice; the Content is not intended to be a substitute for professional medical advice, diagnosis, or treatment.  Always seek the advice of a physician or other qualified health provider with any questions you may have regarding a medical condition. Never disregard professional medical advice or delay in seeking it because of something you have read on this website.

 

Ukuziphendulela

Okuqukethwe kule-webhusi(website) kungokwaziswa izinhloso kuphela futhi azibandakanyi iseluleko sezokwalapha,okuqukethwe akuhlosiwe ukuba kube yingxenye esikhundleni sobungcweti besiluleko sezokwelapha,ukuxilongwa,noma ukwelashwa. Njalo ufune iseluleko sodokotela noma omunye umhlinzeki wempilo oqeqeshiwe nganoma yimiphi imibuzo ungase ube nayo mayelana nesimo sezokwelapha. Ungalokothi unqabeiseluleko sezokwelapha ochwepheshe,noma ukubambezeleka ekufuneni  ngenxa yento oyifunde kule-webhusi(website).

BoitatolÔ

 

Tshedimosotlopolo ya website ena ke ho thlahisa lesedi fela, ha eme   lehatong la ngaka hoba baoki. Otlamehile ho bona ngaka hoba mooki hore ba arabe dipotso ka bolwetsi. O seke wa thlokomologa hoba wa diega go bona ngaka ka morago ga go bala website

Boikemelo 

 

Dintho tse ka hare ho website ke bakeng  sa morero ea tlhahisoleseding feela. Lula o batla keletso ho ngaka kapa mooki hore  a arabe lipotso ka maloetse. Oseke oa hlokomoloha le ho lieha ho etela ngaka ka mora ha hore o bale website

 

© 2023 by Health Window(cc) South Africa. Proudly created with Wix.com

bottom of page