top of page

MOGARE WA HIV

MOGARE WA HIV KE ENG?

HIV e emetse human immunodeficiency virus. E tlhasela disele tse bitswang CD4 botshireletsong gotsa masole a mmele.

 

O LATELA JWANG TSELA YA GORE O HLOLWE

Etele kliniki goba Sepetlele, mooki gotsa ngaka o tla tseya madi mme wa tlholwa. Ge o nagana gore gong o tswaeditswe go ka go tseya lobaka la dikgedi tse 3-12 go kgonthisisa.

 

KE ENG CD4?

CD4 ke tlhatlhofo ya palo ya masole a mmele e o fumantshwa gore HIV e amme jwang gotsa mmele wa gago o na le maatla naa? Palo e tlwaelegileng ya masole a mmele ke go tloga go 500 – 1500.           

 

Go kotsi go bao ba tswaeditsweng ke mogare wa HIV mme palo ya masole a mmele e le 200 gotsa kwa tlase. Masole a mmele ge a feletswe ke maatla o ba le bolwetse jwa segajaja (AIDS). Ge o e nwa ditlhare ka tsela e nepagetseng palo ya masole a mmele e swanetse gonyologa.

 

BOLWETSE JWA HIV BO TSELANWA JWANG?

  • Tlhakanelo ya dikobo le sa itshireletsa gotsa ntle le sekausu

  • Go fetela go tswa go mme goya go lesea ka nako ya boimana

  • Mosadi o a anyisang ka lebele.

  • Ge o oka motho gotsa go tshwara ditlhagisa tse tswaeditsweng o sa itshireletsa

  • Go abelana ente goba nale

 

MATSWAO A BOLWETSE JWA MOGARE WA HIV

  • Go ba le letshoroma gotsa sethukhuthukhu

  • Mometso o botlhoko

  • Mesifa e botlhoko

  • Go ruruha ga dihlaleswa

  • Masole a mmele a disele tsa T4 ge felelwa ke maatla.

 

KALAFI YA BOLWETSE JWA MOGARE WA HIV

  • Ngaka gotsa mooki o tla dira diteko tsa masole a mmele.

  • Ka bonako ngaka o tla go kwalele meriana ya di-antiretroviral (ARV)

  • Latela mokgwa wa gonwa ditlhare ka nako

  • Di ARV ga se pheko ya HIV.

 

TSELA YA GO FETOLA BOTSHELO GE ONA LE MOGARE WA HIV

  • Enwa ditlhare ka mokgwa o o nepagetseng

  • Go botlhokwa gore ba lelwapa ba go tshegetse

  • Tshegetso ya ditsala gotsa bao ba nang le mogare wa HIV

  • Go botlhokwa go latela mokgwa o nepagetseng wa thobalano

  • Eja dijo tse phepa

  • Tlogela go nwa bojwala

  • Tlogela go tsuba

  • Ikatise nako nngwe le nngwe

  • Ge o utlwa o nyema moko batla thuso

bottom of page