
BOLWETSE JWA GOUT
BOLWETSE JWA GOUT KE ENG?
Bolwetse jwa gout ke fa mmele wa motho o sa kgone go sila sentle asiti (uric acid) e e fitlhelwang mo methapong. Ke mofuta wa bolwetse o o itsegang sentle gore o bo bakwa ke eng. Bolwetse bona bo tlhasela bogolo segolo lelokololo la monwana o mogolo wa leoto ka gonne ga ona madi a mantsi a a tsamayang mo go one ebile ga o mogote thata. Lelokololo la monwana le ka ruruga, la utlwa le le bolelo fa o le ama, la nna botlhoko jo bo tsenelelang mme o ka se kgone go bo itshokela.
KE BO MANG BA BA LENG KOTSING?
-
Histori ya lelapa
-
E tshwara banna thata
-
Ba dingwaga tse di fa gare ga 40 – 50.
-
Ba mmele o mo kima
-
Boa ba kilego ba okelwa dikgobadi
-
Dijo tse dinang le-purine e ntsi
-
Dinotagi
-
Malwetse a mangwe jaaka jwa sukiri, jwa diphilo, kgatelelo ya madi le a mangwe
-
Diokobatsi tse dingwe jaaka tsa go dira gore mmele otswe metsi a mantsi.
BOLWETSE JWA GOUT BO BAKWA KE ENG?
-
Dijo tse dinago le purine e ntsi jaana ka nama e khubedu, mefuta e mengwe ya tlhapi, le bojalwa(beer)
-
Uric acid e ntsi e e setlholego e batlega mo mmeleng
-
Fa makgobana a ka koelana mo malokololong a tlhola go ruruga mme a ba botlhoko.
MATHATA A BOLWETSE JWA GOUT
-
Botlhoko jo bo tsenelelang mo malokololong(joints)
-
Goruruga
-
Motho o tlhoka go itshokela
-
O tsamaya ga botlhoko
-
Fa bolwetse bo sa alafiwi boka tlhasela motho gangwe le gape mme malokololo a ka senyega.
-
Okaba le matlapa a philo (kidney stone)
TSELA YA GO FETOLA BOTSHELO GE O NA LE GOUT
-
Fokotsa boima jwa mmele
-
Go ikatisa
-
Go fokotsa go ja dijo tsa purine e ntsi
-
Fokotsa go nwa bojalwa
-
Eja dijo tsa proteine ya tlase
-
Latela mokgwa wa goja dijo tse phepa
KALAFI YA GOUT
-
Gantsi ngaka e dirisa kalafi ya diokobatsi tse di thibelang borurugo.
-
Fa bolwetse bo tlhasela gangwe le gape gotsa bole maswe thata ngaka o tla gofa allopurinol. E thusa go thibela go koelana ga uric acid.